N
Let Us Preach the Glory of Jerusalem to the Whole World (SETSWANA)
Lebaka la Gore Modimo Mme a Tshwanetse go nna mo Ntweng e Kgolo ya Bofelo ya Semoya
Mo motlheng wa Mowa o o Boitshepo, Modimo o ne wa porofeta mo Baebeleng gore go tla nna le ntwa e kgolo ya semowa magareng ga Mosadi le bana ba Gagwe ba bangwe botlhe le Satane le balatedi ba gagwe. Fa Modimo o kgaoganya bao ba tla pholosiwang le ba ba se kitlang ba pholosiwa, ke fela ka go ema ka fa letlhakoreng la Mosadi, yo e leng Modimo Mme, re ka fenyang ntwa e kgolo ya semowa le go amogela tshegofatso ya pholoso.
Tiro ya Poloko e ka Diragadiwa Fela Fa Re Rera Kgalalelo ya Jerusalema mo Lefatsheng Lotlhe
Modimo Ahnsahnghong o re itsisitse ka tlhamalalo gore Modimo Mme o teng ka tsamaiso ya lelapa la lefatshe le thulaganyo ya popo ya ga Efa le gore maloko a Kereke ya Modimo, bana ba bangwe botlhe ba Mosadi, ba tshwanetse go rera kgalalelo ya Mme Jerusalema mo lefatsheng.
Kgwanyape ya gakalela mosadi, ya ya go tlhasela masalela a losika lwa gagwe a a tshegeditseng ditaolo tsa Modimo, e bile a na le tshupo ya ga Jesu.
Jaanong ka ema fa losing lwa lewatle.
Tshenolo 12:17–13:1
Jerusalema, ke tlhomile badisa mo dipoteng tsa gago, ba ba sa didimaleng bosigo jotlhe le motshegare otlhe. Lona ba lo gopotsang Morena, lo se ka lwa ba lwa ikhutsa!
Le ene lo se ka lwa ba lwa mo ikhutsisa go fitlhelela a tsose Jerusalema, a mo dire yo o tumileng mo lefatsheng!
Jesaya 62:6–7.
No. of views19
#Mother
#Prophecy